Guide to applications and referrals
Transcription
Guide to applications and referrals
Kaedi ya dikopo le dithomelo go Lekgotla la Bosetšhaba la Badirisi go ya ka Molao wa Bosetšhaba wa Molato, Molao 34 wa 2005 Setswana Ela tlhoko: Maikaelelo a tokomane e ke go tlamela ka kaelo e e tlhaloganyegang bonolo mo dikopong le dithomelo dingwe tse di ka leriweng kwa Lekgotlheng la Bosetšhaba la Badirisi. Ga e a tshwanela go emisetsa tlhokego ya go kopa thuso le kgakololo mo Molaong wa Bosetšhaba wa Molato, Melawana ya Tsamaiso ya Dikgetse pele ga Lekgotlha la Bosetšhaba la Badirisi kgotsa modiri yo o nang le dithutego tse di maleba tsa semolao. Tshedimosetso e e fiwang maloko a baagi ke Lekgotla kgotsa badiri ba lona e dirwa jalo kwa ntle ga kgobelelo mme ga e tlame mokgwa o Lekgotla le bonang ka teng kgotsa go gataka molao. Lekgotla le dumela go se tseye maikarabelo ape a ditiro tse baagi ba di dirang ka ntlha ya tshedimosetso e e neetsweng ke Lekgotla kgotsa badiri ba lona. Lekgotla la Bosetšhaba la Badirisi ke eng? Molao wa Bosetšhaba wa Molato o nnile molao mo Aforikaborwa ka 2006, mme wa tlhoma NCT. ditshwetso le go atlhola dithomelo tse di dirilweng le Molaodi wa Bosetšhaba wa Molato. Lekgotla la Bosetšhaba la Badirisi (NCT) ke mokgatlho o o ikemetseng, o maikaelelo a ona e leng go fitlhelela tekatekano le tshiamo mo go mongwe le mongwe mo mmarakeng wa badirisi le molato. NCT e reetsa matlhakore otlhe a ngangisano pele ga e tsaya tshwetso. Tshwetso e e tseilweng ke NCT ke ya maemo a a tshwanang le a e e tseilweng kwa Kgotlatshekelongkgolo ya Aforikaborwa. NCT e fitlhelela maikaelelo a yona ka go tsereganya ka tekatekano le ka go ikemela mo dikganetsanong tse di ka ga molato tsa modirisi. Dikopo le dithomelo di ka tlisiwa fa pele ga yona ke motsayakarolo mongwe le mongwe mo mmarakeng wa molato le Molaodi wa Bosetšhaba wa Molato. Gape le ka nna la thadisa Ditlhopha tse di farologaneng di ka tlisa kopo kwa Lekgotleng. Tsona ke: • Modirisi. Yo ke motho yo o rekang dithoto le ditirelo ka tumelano ya molato; • Mongongoregi. Yo ke mongwe yo o tsentseng ngongorego kwa go Molaodi wa Bosetšhaba wa Molato, a kaya gore Molao wa Bosetšhaba wa Molato o gatakilwe; “motlamedi wa molato ke motho yo o tlamelang dithoto le ditirelo ka tumelano ya molato kgotsa yo o adimisanang ka madi kgotsa molato.” • Mokwadisiwa kgotsa mongwe yo o eletsang go kwadisiwa. Yo ke motho kgotsa setlhopha se se kwadisitsweng kgotsa a eletsa go kwadisiwa jaaka motlamedi wa molato, biro ya tseisomolato kgotsa mogakolodi wa molato. -- motlamedi wa molato ke motho yo o tlamelang dithoto le ditirelo ka tumelano ya molato kgotsa yo o adimisanang ka madi kgotsa molato; -- biro ya tseisomolato ke mokgatlho (jaaka setlamo) o, gareng ga tse dingwe, o amogelang le go kokoanya dipego ka ga ditumelano tsa molato, dikopo tsa molato, hisetori kgotsa diphethene tsa tuelo kgotsa tshedimosetso ya molato wa modirisi; -- mogakolodi wa molato ke mongwe yo o ikwadisitseng le Molaodi wa Bosetšhaba wa Molato (NCR) le go thusa badirisi ba ba itemogelang mathata a a amanang le molato mme ba palelwa ke go duela dituelo tsa bona tsa ga jaana tsa kgwedi. Mogakolodi wa molato o ba tlamela ka tshegetso ya kgakololo ya tekanyetso le tsereganyo le batlamedi ba molato. • Molaodi wa Bosetšhaba wa Molato o netefatsa gore batsayakarolo botlhe mo ditirong tsa mmaraka wa molato ba tsamaisana le Molao wa Bosetšhaba wa Molato. Molaodi wa Bosetšhaba wa Molato o tlhomilwe ke Molao wa Bosetšhaba wa Molato go tlhoma mmaraka o o fitlhelegang wa molato, go kwadisa batho ba ba tlhokang ikwadiso mo Molaong, o rotloetsa melawana ya Molao wa Bosetšhaba wa Molato le go nna le maikarabelo mo patlisisong le tshedimosetso ya baagi ka ga merero ya molato wa badirisi. DIKOPO LE DITHOMELO Ke mang yo a ka tlisang kopo kgotsa go romela kgetse kwa NCT? Ke mefuta efe ya dikopo le dithomelo e e ka tlisiwang kwa Lekgotleng? Go na le mefuta e e farologaneng e le 34 ya dikopo tse di ka tlisiwang kwa Lekgotleng. Mengwe ya mefuta ya dikopo di tlhalositswe mo Lenaneo 1 la Melawana ya Tsamaiso ya Dikgetse pele ga Lekgotla la Bosetšhaba la Badirisi (Tsiboso ya Puso ya 30225, 28 Phatwe 2007). Ditlhokego tsa mofuta mongwe le mongwe wa kopo di tlhalositswe mo Lenaneo 1 la Melawana. Dithomelo ke ditatofatso tsa dikgatako tsa Molao gore di atlholwe ke Lekgotla. Di ka nna tsa dirwa ke Molaodi wa Bosetšhaba kgotsa ke modirisi. Ke mefuta efe ya dikgetse tse di ka tlisiwang kwa Lekgotleng ke mongongoregi? Nomore ya Kopo kgotsa Thomelo Mongongoregi ke mongwe yo o tlhatletseng ngongorego kwa go Molaodi wa Bosetšhaba wa Molato gore a di batlisise, a kaya fa Molao wa Bosetšhaba wa Molato o gatakakilwe. Kopo ya go tsenya kopo ya letsatsi go romela kgetse e e sa romelweng Kopo ya Karolo 141 (1)(b) Molaodi wa Bosetšhaba wa Molato a ka nna a tsaya tshwetso fa a amogela ngongorego: • go se romele kgetse, moo mongongoregi a rometseng kgetse kwa Lekgotleng ka boena; • go romela kgetse kwa mogakoloding wa molato (fa e bonala e le ya go ipolaisa molato kgotsa go nna le molato o o botlhaswa), kgotsa kwa go motsereganyi wa dikgetse yo o nang le taolo, kgotlatshekelo ya badirisi, kgotsa modiredi wa tharabololo ya dikganetsano, kgotsa motlhatlhobi go batlisisa. Kopo ya Karolo 139 (1)(a) DIKOPO LE DITHOMELO Fa Molaodi a setse a batlisitse ngongorego a ka: • Rebola kitsiso ya go se romele mme mongongoregi a ka romela ditatofatso tsa kgatako ya Molao kwa Lekgotleng ka boena go atlhola le go batla tharabololo; • Romela kgetse gore e atlholwe le tshwetso e e yang kwa Lekgotleng kgotsa kgotlatshekelo ya badirisi; • Tsenya kopo kwa Lekgotleng fa ngongorego e le ka ga kgetse e Lekgotla le ka e dirisang ka nako ya kopo; • Romela kgetse kwa Bothating jwa Bosetšhaba jwa Botšhotšhisi fa ngongorego e amana le molato wa tshenyo go ya ka Molao. Ela tlhoko: Fa mongongoregi a sa kgotsofalela tshwetso ya ga Molaodi ya go se romele kgetse go sa tshwenye gore a ke pele kgotsa morago ga patlisiso, a ka romela kgetse ka tlhamalalo kwa Lekgotleng gore le e atlhole e na le kitsiso ya go se romelwe go tswa kwa go Molaodi. Namolo ya ka bonako Fa ngongorego e sa ntse e batlisisiwa ke Molaodi, pele kgotsa ka nako ya theetso ya ngongorego, mongongoregi a ka nna a tlhoka namolo ya ka bonako. Mo lebakeng le, a ka nna a tsenya kopo ya namolo ya ka bonako (e e itsegeng jaaka namolo ya nakwana) mo Lekgotleng. Gore mongwe le mongwe a kgone go tsenya kopo ya namolo ya nakwana, o tshwanetse a bo a setse a tlhatletse ngongorego kwa go Molaodi. Kopo ya Karolo 149 Ke mefuta efe ya dikgetse tse di ka tlisiwang kwa Lekgotleng ke mokwadisiwa, kgotsa mongwe yo o eletsang go nna mokwadisiwa? Nomore ya Kopo kgotsa Thomelo Mokwadisiwa ke motho kgotsa setlhopha sa batho se se dirang jaaka motlamedi wa molato, biro ya tseisomolato kgotsa mogakolodi wa molato (leba fa godimo). Go na le dikgetse di le mmalwa tse mokwadisiwa a ka di tlisang kwa Lekgotleng. Thadiso ya dikitsiso tsa kobamelo tse di rebotsweng ke Molaodi Kopo ya Karolo 56 (1) Molaodi a ka swetsa gore: Kopo ya Karolo • Mokwadisiwa ga a kwadisetswa ditiro tse a di dirang; 59 (1) • Ditiro tsa mokwadisiwa ga di letlelelwe ke Molao; • Mokwadisiwa ga a obamela melawana ya Molao kgotsa mabaka a ikwadiso ya gagwe. Jalo Molaodi o tlaa rebola kitsiso ya kobamelo e mo go yona mokwadisiwa o tlaa gakololwang gore ke eng se a tshwanetseng go se dira, kgotsa se a sa tshwanelang go se dira. Mokwadisiwa yo o sa kgotsofalelang kitsiso e e rebotsweng ke Molaodi a ka na a tsenya kopo kwa Lekgotleng gore le thadise tshwetso ya ga Molaodi le go e beela kwa thoko. Thadiso ya ditshwetso tsa ga Molaodi mabapi le ditshitshinyo tsa dipuo Fa Molaodi a swetsa go se amogele ditshitshinyo tsa mokwadisiwa tsa puo, kgotsa go kopa gore a romele tshitshinyo e ntšhwa, mokwadisiwa a ka nna a tsenya kopo kwa Lekgotleng go thadisa tshwetso ya Molaodi. Kopo ya Karolo 63 (5) Nomore ya Kopo kgotsa Thomelo Modirisi ke motho yo o rekang dithoto le ditirelo. Tseno di ka duelelwa ka madi a a seatleng kgotsa ka molato, ka go adima madi mo motlameding yo o dumeletsweng wa molato. Modirisi o dumela go duela gape madi a a a adimileng, a na le morokotso, mo sebakeng se se rileng. Go sa romelwe ga setifikeite sa kgololo Kopo ya Karolo 71 (3) Mo mabakeng a fa modirisi a sa kgonang go duela madi a a a adimileng ka nako e go dumelanweng ka yona, o tlola tumelano, mo go rayang gore tumelano ga e a diragadiwa. Mo dikgetseng tse dingwe, motlamedi wa molato a ka tswa a letleletse modirisi go adima madi a mantsi thata, kwa ntle ga go netefatsa gore a o tlaa kgona go a busa. Mo mabakeng a a ntseng jalo, modirisi a ka nna a itlhagisa kwa go mogakolodi wa molato go mo thusa ka gore dituelo tsa gagwe di fetolwe gore a kgone go di duela. Fa modirisi a setse a duetse molato otlhe, mogakolodi wa molato a ka nna a kopiwa go ntsha setifikeite sa kgololo se se tlaa rebolwang fa ditlamego tsotlhe tsa gagwe di diragaditswe. Le fa go ntse jalo, fa mogakolodi wa molato a sa rebole setifikeite sa kgololo, modirisi a ka nna a kopa Lekgotla go thadisa seno. “Mo mabakeng a fa modirisi a sa kgonang go duela madi a a a adimileng ka nako e go dumelanweng ka yona, o tlola tumelano, mo go rayang gore tumelano ga e a diragadiwa.” DIKOPO LE DITHOMELO Ke mefuta efe ya dikgetse tse di ka tlisiwang kwa Lekgotleng ke badirisi? Motshwarapane o tla duelela dithoto tse di latlhegileng kgotsa tse di rekisitsweng pele ga nako thata Kopo ya Karolo 99 (2) Ka dinako tse dingwe, modirisi o adima madi mo motshwarapaneng a refosa dithoto go duela molato wa gagwe otlhe. Fa modirisi a duela melato ya gagwe ka nako, a ka nna a kopana le motshwarapane gore a busediwe dithoto tsa gagwe. Le fa go ntse jalo, fa motshwarapane a latlhile kgotsa a rekisitse dithoto, modirisi a ka nna a kopa Lekgotla go laela motshwarapane go duelela dithoto tse di latlhegileng kgotsa tse di rekisitsweng. Kanego ya akhaonte Modirisi o na le tshwanelo ya go kopa motlamedi wa molato kanego ya akhaonte. Yona e tshwanetse go bontsha: • Palogotlhe ya madi a a kolotiwang ka nako e e rileng (ke gore, maditshalelo a ga jaana); • Madi a a duetsweng (sekao, ka tuelo e e dirilweng ke modirisi); • Madi a a setseng a kailwe jaaka molato (sekao, morokotso o o duedisiwang ke motlamedi wa molato); • Madi a a saletseng kwa morago (ke gore madi a a sa duelwang ka nako); le • Madi a a tletseng a a tshwanetseng go duelwa go duelela sengwe le sengwe se se kolotiwang, go duela madi otlhe a molato. Fa motlamedi wa molato a sa dire gore kanego ya go nna jalo ya akhaonte e nne teng mo go modirisi, a ka nna a kopana le Lekgotla gore motlamedi wa molato a dire jalo. Kopo ya Karolo 114 (1) Kopo ya Karolo 115 (1) Ka dinako tse dingwe, modirisi a ka nna a se dumelane le sengwe mo kanegong ya gagwe ya akhaonte le motlamedi wa akhaonte. Seno se itsege jaaka kwadiso e e ganediwang. O tshwanetse go leka pele go dumelana le motlamedi wa molato. Fa a sa ntse a sa kgone, o tshwanetse go ya kwa go Molaodi, motsereganyi, kgotlatshekelo ya badirisi ya porofense kgotsa modiri yo mongwe yo o fedisang dikganetsano. Fa go sa ntse go sa dumelanwe ka sepe, jalo modirisi a ka ya kwa Lekgotleng go bona tshwetso ka ga kwadiso e e ganediwang. Go sa kgotsofalele thekiso ya dithoto Fa badirisi ba itemogela mathata a go duelela dithoto tse ba di rekileng ka molato, ba ka nna ba phimola tumelano le go busetsa dithoto tseo kwa go motlamedi wa molato. Fa ba paletswe ke go diragatsa tumelano motlamedi wa molato a ka phimola tumelano mme a ka nna a tsaya dikgato tse di tlhalositsweng mo Molaong gore a busediwe dithoto. Fa motlamedi wa molato a tshwere dithoto, go sa tshwenye gore a dithoto tse di ne di busitswe ke modirisi kgotsa di gapilwe, motlamedi wa molato o tshwanetse go rekisa dithoto dithoto mo nakong e e utlwalang le gona ka tlhwatlhwa e e bonalang. Tlhwatlhwa e motlamedi wa molato a e amogelang e dirisetswa go duela molato otlhe wa modirisi. Fa modirisi a sa itumelela thekiso ya dithoto, a ka nna a kopana le Lekgotla, mme ke fela morago ga fa modirisi a lekile kwa ntle ga katlego go rarabolola thekiso e e ganediwang ya dithoto, go bona taelo ya gore motlamedi wa molato a duele madi a tlaleletso go modirisi. Kopo ya Karolo 128 (1) DIKOPO LE DITHOMELO Kwadiso e e ganediwang Ke mefuta efe ya dikgetse tse di ka tlisiwang kwa Lekgotleng ke batlamedi ba molato le dibiro tsa tseisomolato? Nomore ya Kopo kgotsa Thomelo Motlamedi wa molato ke motho yo o tlamelang dithoto le ditirelo mo molaong wa tseisomolato kgotsa madi a a kwa pele kgotsa molato. Biro ya tseisomolato ke mokgatlho (jaaka setlamo) o, gareng ga tse dingwe, o amogelang le go kokoanya dipego ka ga ditumelano tsa molato, dikopo tsa molato, hisetori kgotsa diphethene tsa tuelo kgotsa tshedimosetso ya molato ya modirisi. Batlamedi ba molato le dibiro tsa tseisomolato di ka lere dikgetse tse di latelang kwa Lekgotleng: Tekanyetso ya ditlamego Modirisi o na le tshwanelo ya go kopa motlamedi wa molato: • Lebaka le le kwadilweng la gore ke goreng kopo ya gagwe ya molato e sa amogelwa kgotsa molato wa bona o fedisitswe; • Dikhophi tsa ditokomane tse di amanang le hisetori ya bona ya molato, fa e le gore di latlhegile; • Kanego ya maditshalelo a a kolotiwang; • Madi a go duela molato otlhe, ke kanego ya madi a o tlaa a tlhokang go duela molato otlhe ka yona nako eo. Modirisi o na le tshwanelo ya go kopa biro ya tseisomolato: • Tshedimosetso ka ga modirisi e e tshwerweng ke biro ya tseisomolato; • Patlisiso ya gore tshedimosetso ya go nna jalo e nepile go le kana kang. Kopo ya Karolo 142 (3)(f) DIKOPO LE DITHOMELO Le fa go ntse jalo, motlamedi wa molato kgotsa biro ya tseisomolato a ka nna a dumela gore dikopo tsa go nna jalo ke tsa lefela (dikopo ga di na motheo), di a tena (dikopo di dirilwe fela go baka mathata kgotsa go tena), kgotsa ga di utlwale. Mo lebakeng le, kopo e ka tsenngwa ke motlamedi wa molato kgotsa biro ya tseisomolato gore Lekgotla le lekanyetse ditlamego tsa lona go neela mabaka, dikanego tsa ditokomane kgotsa go duela madi otlhe. Dipoelo tsa thekiso ya dithoto Kopo ya Karolo 127 (6) Modirisi a ka tswa a neile motlamedi wa molato dithoto go duela molato, mme motlamedi wa molato a ka tswa a rekisitse dithoto go duela molato wa modirisi. Mo mabakeng a mangwe, palogotlhe ya madi a a dirilweng mo thekisong ya dithoto a ka tswa a feta molato wa modirisi. Fa e le gore motlamedi yo mongwe wa molato o na le tumelano e e kwadisitsweng ya molato le modirisi ena yo ka tsona dithoto tse, jalo madi a a bonwang go tswa mo thekisong a tshwanetse go kgaoganngwa sentle ka tekano fa gare ga batlamedi ba dithoto. Ke mefuta efe ya dikgetse tse di ka tlisiwang kwa Lekgotleng ke Molaodi wa Bosetšhaba wa Molato? Molaodi wa Bosetšhaba wa Molato (NCR) ke mokgatlho o o dirang jaaka “lepodise” mo batlameding ba molato le go netefatsa gore ditiro tsa bona di tsamaisana le Molao wa Bosetšhaba wa Molato. Molaodi a ka nna a tlisa dikgetse tse di latelang kwa Lekgotleng: Nomore ya Kopo kgotsa Thomelo Molaodi a ka nna a kopa Lekgotla go phimola kwadiso Kopo ya Karolo ya dikgetse tsa mokwadisiwa moo mokwadisiwa: 57 (1) • A sa obameleng mabaka a ikwadiso ya lona gantsi thata; • A sa fitlheleleng tlamego ya ikwadiso ya lona; kgotsa • A dira ka tsela e e fapaaneng le melawana ya Molao. Maikarabelo a batlamedi ba molato Kopo ya Karolo 82 (4) Motlamedi wa molato o tshwanetse go nna le maikarabelo fa a naya molato, mme a ka se kgone go naya molato go mongwe yo o ka se kgoneng go duela molato wa gagwe. Fa motlamedi wa molato a naya batho ba ba sa kgoneng go duela melato ya bona molato gantsintsi, ga a na maikarabelo. Go tsaya tshwetso ya gore ke mang a ka adimang madi kgotsa go reka dithoto ka molato, le gore ke ka mabaka afe, a motlamedi wa molato a ka itirelang dikaedi tsa gagwe. Dikaedi tse di ka neelwa thebolo ya pele ke Molaodi. Kgotsa, Molaodi a ka dira dikaedi tse batlamedi ba molato ba ka di lebang fa ba tsaya ditshwetso. Fa motlamedi wa molato a palelwa ke go dira sentle kwa ntle ga boitebo, Molaodi a ka nna a tsenya kopo kwa Lekgotleng ya taelo ya gore motlamedi wa molato a dirise dikaedi tse di dirilweng ke Molaodi, kgotsa dikaedi tse di mo tlhomamong le tiriso mo intasetering, jaaka go tlhomamisitswe ke Lekgotla. Kganetsano ka ga tshedimosetso Fa go na le kganetsano le biro ya tseisomolato ka ga tshedimosetso e e e tshwereng, Molaodi a ka nna a kopa Lekgotla go rarabolola kganetsano. Kopo ya Karolo 137 (1)(a) Kopo ya Karolo 137 (1)(b) Molaodi a ka nna a kopa Lekgotla go gatisa ntlha ya gore motlamedi wa molato a neele kanego ya akhaonte, kgotsa go tsaya tshwetso ya gore a kanego ya akhaonte e nepagetse. Thadiso ya thekiso ya dithoto Kopo ya Karolo 137 (1)(c) Molaodi a ka nna a kopa Lekgotla go thadisa thekiso ya dithoto, kgotsa kanamiso ya dipoelo tsa thekiso. Tetla ya go tlisa ngongorego pele ga nako Kopo ya Karolo 137 (1)(d) Molaodi a ka nna a kopa tetla ya go tlisa ngongorego ka tlhamalalo go Lekgotla pele ga patlisiso ya ngongorego e konosediwa. Sekao, kgetse e ka tlhoka go romelwa kwa diforamong tse dintsi tse di farologaneng tse di ka e diegisang thata. Thomelo ya tsamaiso e e kganetsweng Kopo ya Karolo140 (1) Molaodi o tshwanetse go batlisisa ngongorego mme fa a dumela gore motho o ntse a na le seabe mo tsamaisong e e kganetsweng go ya ka Molao, a ka nna a romela kgetse kwa Lekgotlheng go reediwa. Tsereganyo ya Molaodi Fa mokgatlho mongwe o tlisa kopo kwa Lekgotleng mme Molaodi a ise a nne karolo ya kopo eo, jalo mo mabakeng mangwe (jaaka go tlhalositswe mo s137) Molaodi a ka nna a tsereganya mo kopong eo. Kopo ya Molawana 11 DIKOPO LE DITHOMELO Kanego ya akhaonte Tetla ya go dirisa ditokomane tse di rometsweng thari Kopo ya Karolo137 (1)(e) Fa ditokomane tse di tlhokegang mo kgetseng di sa romelwe ka letlha le le tlhokegang kgotsa pele ga lona, Molaodi a ka nna a kopa go letla ditokomane tse go dirisiwa mo kgetseng mo pele ga Lekgotla. Ke mefuta efe ya dikgetse tse di ka tlisiwang kwa Lekgotleng ke mekgatlho e mengwe. Nomore ya Kopo kgotsa Thomelo Ditaelo tsa tumelano Kopo ya Karolo 138 (1) Fa modirisi a saletse thata kwa morago ka dituelo tsa dikarolotuelo tsa gagwe tsa molato, kgotsa a dirile molato o a sa o kgoneng, a ka nna a kopa mogakolodi wa molato go mo thusa go thadisa mabaka a phetolo ya tuelo go nna e a ka e kgonang. Fa go setse go dirilwe tumelano go ya ka mabaka a mantšhwa le mekgatlho yotlhe, jalo dithulaganyo tse dintšhwa di romelwa ka Lekgotleng. Fa Lekgotla le di amogela, di nna taelo ya tumelano ya Lekgotla. Mekgatlho e e farologaneng e ka kopa taelo ya tumelano kwa Lekgotleng. Ba akaretsa motsereganyi, kgotlatshekelo ya badirisi, modiri yo mongwe wa tharabololo ya dikganetsano, Molaodi wa Bosetšhaba wa Molato, kgotsa mogakolodi wa molato. Thomelo ya go se na tumelano Kopo ya Karolo 137 (3) Fa modirisi le motlamedi wa molao ba sa kgone go dumelana ka kganetsano ya molato ka tharabololo e nngwe ya kganetsano, mokgatlho mongwe le mongwe o ka tsenyakopo go rarabolola kgetse. “Fa modirisi a saletse thata kwa morago ka dituelo tsa dikarolotuelo tsa gagwe tsa molato, kgotsa a dirile molato o a sa o kgoneng, a ka nna a kopa mogakolodi wa molato go mo thusa go thadisa mabaka a phetolo ya tuelo go nna e a ka e kgonang.” DIKOPO LE DITHOMELO Fa modirisi le motlamedi wa molato ba sa kgone go dumelana ka kganetsano ya molato, kgetse e tshwanetse pele go romelwa kwa modiring wa ADR, motsereganyi yo o nang le taolo kgotsa kgotlatshekelo ya badirisi. Fa ADR e palewa, modirisi a ka nna a faela kopo le Lekgotla. Fa kgetse e ne e diriwa ke modiri wa ADR, modirisi o tshwanetse go bona setifikeite go tswa mo go modiri wa ADR go tlhalosa gore ADR e paletswe mme modirisi o tshwanetse go faela kopo mo malatsing a le 20 morago ga go palelwa ga ADR. Fa modirisi a sa kgone go faela kopo mo malatsing a le 20, modirisi o sa ntse a ka tsenya kopo kwa Lekgotleng mme Lekgotla le ka nna la dumela go reetsa kgetse fa fela modirisi a kgona go bontsha gore go ne go na le lebaka le le siameng la gore ke goreng a sa faela kopo mo malatsing a le 20. Le fa go ntse jalo, fa modiri wa tharabololo ya dikganetsano a sa kgone go rarabolola kganetsano, jalo modiri o rebola setifikeite sa tharabololo e e palegileng ya kganetsano mme motlamedi wa molato kgotsa modirisi a ka nna a faela kopo ya karolo 137 (30) kwa Lekgotleng. Go nna le seabe ga mekgatlho yotlhe Fa go na le mekgatlho e e nang le kgatlhego mo kganetsanong, fela ba ise ba akarediwe mo kgetseng, foo ba ka kopa Lekgotla go ba letla gore ba nne le karolo ya kgetse. Thomelo ya kwa foramong e nngwe Mokgatlho mongwe le mongwe o ka kopa Lekgotla go romela kgetse kwa forameng e nngwe. Sekao, fa kgetse e rometswe ke Molaodi go ya kwa kgotlatshekelong ya badirisi, modirisi a ka nna a kopa gore kgetse e romelwe kwa kgotlatshekelong e nngwe ya badirisi kgotsa kwa Lekgotleng. Kopo ya Molawana 12 Kopo ya Karolo 140 (4) kgotsa 141 (2)(a) Tetla ya go faela ditokomane tse di thari Kopo ya Karolo 34 Fa mokgatlho mongwe o sa kgona go faela ditokomane ka nako, kgotsa ka ntlha ya mabaka mangwe ba sa kgone go obamela melao ya Lekgotla, o ka nna wa tsenya kopo ya go letlelewa go faela ditokomane thari kgotsa go tshwarela diphapogo tse dingwe tsa melawana. Go romelwa kwa phaneleng e e feletseng ya Lekgotla Kopo ya Karolo 148 (1) Fa mokgatlho mongwe o sa kgotsofalela tshwetso ya leloko le le lengwe la Lekgotla, o ka nna wa ikuela kwa phaneleng e e tletseng (maloko a le 3) ya Lekgotla. Paakanyo ya phoso mo katlholong kgotsa taelo ya Lekgotla Fa go na le phoso mo taelong, mokgatlho mongwe o ka nna wa tsenya kopo gore e baakanngwe. Kopo ya Karolo 165 Dikgato tse di latelang di tlaa go thusa go isa kgetse kwa Lekgotleng. Fa o sala morago dikgato tse ka kelotlhoko, o tlaa boloka nako mme mathata a gago a tlaa rarabololowa ka bonako. 1 Tlhaola ka tlhomamo mofuta wa kopo o o tshwanetseng go o faela. Mefuta ya dikopo e tlhalositswe mo Lenaneo 1 la Melawana mme ditlhokego tsa kopo nngwe le nngwe tse di tlhalositsweng mo Lenaneong 2 mo Melawaneng. Go dira jalo, o tlhoka go buisa Melawana ya tsamaiso ya dikgetse pele ga Lekgotla la Bosetšhaba la Badirisi (Kitsiso ya Puso ya 30225, 28 Phatwe 2007). O ka nna wa bona Melawana mo www. thenct.org.za, kgotsa etela dikantoro tsa Lekgotla mo badiri ba tla itumelelang go go thusa. Go na le ditekanyetso tsa nako ya go romela dikopo. Di ele tlhoko mme o dire go ya ka tsone. Fa o le thari go tsenya kopo, o ka nna wa tsenya kopo kwa Lekgotleng go go letla gore o nne le nako ya go faela, o neela mabaka a a siameng a gore ke goreng o sa faela kopo mo nakong e e letlelelwang. 3 2 Tlatsa foromo e e nepagetseng. O tlaa leba Lenaneo 2 la Melawana gore ke (di)foromo efe e o tshwanetseng go e tlatsa. O tlaa bona diforomo mo Melawaneng le mo Molaong wa Bosetšhaba wa Molato. Tsona ka bobedi di mo www.thenct.org. za. Akaretsa ditokomane tse dingwe kgotsa dikhophi tsa ditokomane tse o di tlhokang jaaka karolo ya kopo ya gago, jaaka go tlhalositswe mo Lenaneo 2, le mo kopong ya gago. 4 DIKOPO LE DITHOMELO Dikgato tsa go faela kopo kgotsa thomelo Dikgato tsa go faela kopo kgotsa thomelo 5 Duela tuelo ya kopo mo akhaonteng ya banka ya Lekgotla mme o tsenye khophi ya selipi sa tipositi kgotsa mofuta o mongwe wa tuelo mo kopong ya gago. Fa o sa kgone go duela, o ka nna wa kopa Modulasetilo wa Lekgotla gore a beele tuelo kwa thoko. Leba Lenaneo 2 la Melawana mabapi le gore ke mang yo o tlhokang go itsisiwe ka ga kopo le go neelwa dikhophi tsa kopo. Eno ke mekgatlho mo kopong. 7 6 Netefatsa gore mekgatllho yotlhe mo kopong e filwe dikhophi tsa ditokomane tsa kopo jaaka go tlhalositswe mo Lenaneong 2 la Melawana. Mametlelela bosupi jo jwa thomelo ya kopo. Bosupi jwa thomelo bo ka nna tokomane e e saenilweng go tswa kwa mokgatlhong gore ba e amogetse, kgotsa rasiti ya poso e e kwadisitsweng. Faela kopo ya gago le ditokomane tsotlhe tse di tlhokegang le tuelo (ntle le fa o na le tetla go tswa kwa go Modulasetilo wa Lekgotla go sa duele) tse di tlhalositsweng mo Lenaneo 2 la Melawana le Lekgotla. Seno se ka dirwa ka imeile, fekese, poso, kgotsa ka go e isa ka namana. Leba fa tlase go bona dintlha tsa kgolagano tsa Lekgotla. 8 Fa o tlhoka thuso ka kopo ya gago, tsweetswee ikgolaganye le Mokwadisi wa Lekgotla: Mogala: 012 683 8140 Imeile: registry@thenct.org.za Fekese: 012 663 5693 Aterese ya Poso: Private Bag X110 Centurion 0046 Aterese ya tulo: Ground floor East Wing Block B Lakefield Office Park 272 West Avenue c/o West and Lenchen North Centurion DIKOPO LE DITHOMELO O ka ikgolaganya jang le Lekgotla Aterese ya tulo: Ground floor East Wing Block B Lakefield Office Park 272 West Avenue c/o West and Lenchen North Centurion Aterese ya Poso: Private Bag X110 Centurion 0046 Mogala: 012 683 8140 Fekese: 012 663 5693 www.thenct.org.za
Similar documents
People`s Guide to the Budget
Mmuso o dirisa tekanyetso-kabo e e kana ka diperesente di le 60 mo mafapheng a pholo, thuto, meago, dipalangwa le di diriswa tsa metseselegae. Se ke boitshupo jo bo tletseng jwa maikano a mmuso go ...
More informationPula/Imvula Lekwalo la Grain SA la balemipotlana Sedimonthole 2013
Thibelelo ka go tswelela Karabo e le esi ya go kgona go tlosa mathata a a tlisiwang ke petlhu go kumo ya gago e tshwanetse go batlwa mo lenaneong la bolaodi la tse dingwe. Dilo tse dingwe tse, di k...
More information